esperanto-asocio de suda afriko
  • Hejmpaĝo
  • Esperanto
    • Kaburba Kongreseto >
      • Ekzpozicio 2014-10-25 - Observatory, Kaburbo
    • Novaĵoj >
      • Bona Espero - novaĵletero
    • Lokaj grupoj >
      • Kaburbo
      • Johannesburg kaj Pretoria
    • Pri la Asocio
    • Bona Espero - revuo de la Asocio
  • English
    • Courses
    • Speak To The World
    • Discover an easy language
    • Local Groups >
      • Cape Town Conference 2014
  • Afrikaans
    • Praat Met Die Wêreld
    • Ontdek 'n maklike taal
  • isiZulu
    • Khuluma nomhlaba
    • Zitholele ulimi olulula kakhulu
  • Setswana
    • Bua Le Lefatshe Lotlhe
    • Puo e e motlhofo
  • isiXhosa
    • Thetha uviwe lihlabathi lonke
    • Fumanisa ulwini olulula
  • Vendejo
  • Pretoria Kongreseto 2017

Puo e e motlhofo

Batho bangwe ga ba dumele gore Se-Eseperanto se motlhofo thata go se ithuta go gaisa dipuo tse dingwe. Pontshonyana ya teng ke eno .... E leke!

Se kwalwa ka tsela e se buiwang ka yone

Mafoko a Se-Eseperanto a bidiwa ka tsela e a kwalwang ka yone jaaka bontsi jwa dipuo tse dingwe.

Tsela e ditumammogo di bidiwang ka yone ke eno:
  • a  jaaka kala
  • e  jaaka kepu
  • i  jaaka ina
  • o jaaka bolo
  • u jaaka kutu

Ditumammogo
di bidiwa jaaka tsa Seesemane kwantle ga:
  • c o o bidiwang ts,  jaaka mo lefokong la metsi
  • g o a gatelelwa, jaaka mo go get was Seesemane
  • j o bidiwa y jaaka wa Seesemane mo go yes
  • r ke rolled fa go kgonega

Gape go na le ditlhaka tse di kgethegileng: 
  • ĉ jaaka “ch” wa Seesemane mo go chamber (ĉambro)
  • ĝ jaaka “g” wa Seesemane mo go general (ĝenerala)
  • ĥ jaaka Quagga wa Aforikanse
  • ŝ jaaka “sh” wa Seesemane mo go ship (ŝipo)

Mme gore puo e utlwale e le monate, gantsi go gatelelwa noko e e tlang pele ga ya bofelo: amiko, patro, lernas, ĝenerala.

Kutu le megatlana

Megatlana ya maina: “o”
  • rre          -     la patro
  • mmila     -   la strato
  • setšheshe  -  la floro
  • thutiso     -   la ekzerco

Megatlana ya matlhaodi  “a” 
  • kgolo    -    granda
  • kima    -     dika
  • ntle      -     bela
  • bonako   -  rapida


Megatlana ya matlhalosi  “e”
  • ka tsela e e motlhofo    - facile
  • ka tsela e ntle                - bele

Indlela izenzo ezigcina ngayo (bonke abantu enkathini yamanje) “as”:

Megatlana ya madiri (batho botlhe, paka-jaanong):  “as” 
  • ke                 -    mi estas
  • o                   -    li estas
  • re                  -   ni estas
  • re a newa     -    ni trinkas

Megatlana e ka dirisiwa ka kgololesego, fa e le gore e a utlwala

  • tsala                               -           amiko
  • ka botsalano                  -           amika
  • ka mokgwa o o botsalano    -    amike
  • re ditsala                           -       ni amikas
  • boitekanelo                      -          sano
  • itekanetseng                      -         sana
  • ka tsela e e itekanetseng    -         sane
  • ke itekanetse                    -           mi sanas

Go kwala makaela-gongwe

Jaaka go ntse ka dipuo dingwe tsa Se-Aforika, o ka dirisa ditlhogo le megatlana go tlhama makaela-gongwe. Ka sekai:

Leba dinoko tse di latelang:
  • “mal-“ e amana le maganetsi                                  dika / maldika, kima/sesane
  • “-ul” e amana le motho                                           junulo, moša
  • “-in” e amana le mosadi                                          patrino, mme
  • “-ig” e amana le “go dira gore selo se direge”      beligas, “ntlafatsa”, i.e. kgabisa
  • “-ebl” e amana le kgonagalo                                   trinkebla, “nwega”
  • “-ej” e amana le lefelo                                             lernejo,    “lefelo la go ithuta”, i.e. sekolo

Mal- ke tlhogo (pele ga lefoko), tse dingwe ke megatlana. Go tla nna le dikai tse dingwe tse dintsi.

O ka dira makaela-gongwe ka mafoko a a latelang:
  • Pura                          phepa
  • Malpura                    leswe
  • Malpurulo                motho yo o leswe
  • Mi purigas                Ke a phepafatsa (phepafatsa)
  • Purigejo                    lefelo la go phepafatsa
  • Purigebla                 kgona go phepafatsa
Seno se dira gore o kgone go dira mafoko a a ka se kang a lekanngwa ka palo, sekai, bela, belulo, belulino, malbelulino, beligi, beligebla, beligejo...

Dipolelo di le mmalwa fela jaanong

Jaaka mo Seesemaneng, gantsi polelo e agiwa e na le sediri, lediri, le matlhalosi, mme tatelano ya mafoko yone ga e tshwenye.

Athikele “la” e a fetofetoga, ga go na bothata gore a ke ya senna kgotsa ya sesadi. Mme bontsi mo go yone bo bopiwa ka “j” yo o golagantsweng le mogatlana “o” kgotsa “a”.

Sediri + lediri
  • Mi trinkas
  • La juna patrino lernas

Sediri + lediri + letlhalosi

  • La bela floro estas malgranda
  • La junuloj estas en la tinkejo (“en” e raya “mo teng”)

Sediri + lediri + sedirwa ka tlhamalalo

E re ka go sa kgathalasege tatelano ya mafoko, Se-Eseperanto se tshwanetse go tlhaola sedirwa go tswa mo sediring, ka –n
  • Mi purigas la lernejon (Ke phepafatsa sekolo)
  • La floroj belugas la straton

Sa bofelo, mafoko a le mmalwa a a mosola:
  • Saluton! (dumela) kgotsa Bonan tagon! (tlhola sentle)
  • Dankon! (ke a leboga)
  • Ĝis revido! (sala sentle!)

A ga o ise o dumele?

Ee, fa o ithuta Se-Eseperanto, o “dira ka natla” fa o simolola go se ithuta. Mo bogautshwaneng, o tla bo o setse o ithutile dikarolo tsotlhe tsa go aga tlotlofoko ya gago le go bitsa mafoko.

Akanya ka gone:
Mo pampitshaneng e khutshwane eno re go neile dikutu di le 15 tsa mafoko, maemedi a le 4, dikarolo di le 4 kwa bokhutlong jwa mafoko, ditlhogo di le 6 le megatlana, athikele e le nngwe le letlama le le lengwe.

Re akanya gore ka mafoko ano a le mmalwa, o ka kgona go kwala mafoko a le 150 (o sa balele bontsi, jalo le jalo), mme wa tlhama dipolelo di le dintsi thata. Ka karolo nngwe le nngwe e ntšha, bokgoni jwa gago jwa puo bo a gola.

Go go tsere lobaka lo lo kae go dira thutiso ya pampitshana eno? A o ka akanya ka puo epe e nngwe e e neng e tla go tsaya lobaka lo lo tshwanang?

Powered by Create your own unique website with customizable templates.