Bua le lefatshe lotlhe
Se-Eseperanto ke Eng?
Mo godimo ga gore puo eno ga e wele mo setlhopheng sa setso sepe, Se-Eseperanto ga se tshwane le dipuo tse dingwe:
- Se motlhofo go se ithuta
- Se a utlwala e bile se
dirwa ka go aga mafoko a a mo bontsing, tsela ya go bitsa mafoko,
jalo le jalo
Se tswa kae?
Kgatiso ya ntlha ka Se-Eseperanto e tlhagile ka 1887, nako e ka yone Ngaka L. Zamenhof a neng a tshitshinya gore e nne puo e e dirisiwang gotlhe mo lefatsheng. Kgopolo ya gagwe e ne e le gore puo ya bobedi e e dirisiwang ke bontsi e tla dira gore ditso le ditšhaba di tlhaloganyane.
Fa puo eno e sena go anama kwa Yuropa mo tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, e ne ya gola fela thata kwa China, Brazil, Iran, jalo le jalo. Ka 1990, ba ba neng ba e bua mo lefatsheng lotlhe ba ne ba fopholediwa gore ke dimilione di le 2(1) mo dinageng tse di fetang 100.
(1)Motswedi: World Almanac and Book of Facts, 1990, New York

Se-Eseperanto se diretswe Eng?
Go kopana le batho
Sa ntlha, bokao jwa Se-Eseperanto, bo raya:
Go itse ka ditso le dipuo tse dingwe
Se-Eseperanto se dira gore:
- Go kopana le batho kwa moseja (ka go ya dikonkerenseng kgotsa ka go dirisa tirelo ya lefatshe lotlhe ya bonno)
- Bagaetsho (o ka tlamela bajanala ka bonno kgotsa go kwalelana le bone),
- Le baagenali ba gago ba ba buang dipuo tse dingwe
Go itse ka ditso le dipuo tse dingwe
Se-Eseperanto se dira gore:
- O kgone go nna le dikgatiso tse di farologaneng tsa ditso tse di farologaneng kgotsa dikgatiso tse di ranotsweng, mmino, le dikgatiso tse dingwe
- Go tlhaloganya puo ya gaeno botoka le dipuo tse dingwe
E dira batho seoposengwe
Bernard Londoni Runyerera a re:
Se-Eseperanto, e leng puo e e sa tshwaneng le epe, ke puo ya tlotlo e e dirang batho seoposengwe. Babui ba Se-Eseperanto mo dinageng tse di farologaneng gantsi ba ile ba nthusa fa ke le mo dinakong tsa mathata.
Go na le dikai di le dintsi tsa matsholo a a ileng a engwa nokeng ka madi le ka go buelelwa, ka sekai, porojeke ya motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi kwa Tanzania, sekolo kwa Madagascar, le mokgatlho o o emang batswakwa nokeng kwa Durban.
Mme go diregang mo Aforika?
Se-Eseperanto se a gola le mo Aforika, mme se na le mekgatlho mo dinageng di le sometharo(2), “Dikonkerese Tsa Aforika” di le nne tse di sa leng di tshwarwa go simologa ka 1990, Dikgatiso tsa Se-Aforika tse di farologaneng tse di ranotsweng, le matsholo a le mmalwa a tlhabololo/kemonokeng kwa dinageng di sele.
Jaaka puo e e sa tshwaneng le epe e e seng ya bokolone, Eseperanto ke puo e e amogelesegang thata e ditšhaba di buisanang ka yone go gaisa dipuo tse ga jaanong di dirisiwang jaaka “lingua franca”.
Gape e golaganya Aforika le lefatshe lotlhe le go dira gore mongwe le mongwe a solegelwe molemo ke go nna seoposengwe le ba bangwe.
(2)Algeria, Benin, Cameroon, DRC, Egepeto, Ghana, Ivory Coast, Madagascar, Aforika Borwa, Tanzania, Togo, Tunisia, Zimbabwe

Go sobokanya
O tla fitlhela gore Se-Eseperanto
- Ke puo e e agegileng ka tsela e e kgatlhang thata, e e nang le poeletso-modumo, le e e monate;
- Ga e na tlhaolele jaaka dipuo tse dingwe tsa bosetšhaba;
- E go naya tshono e e sa bulegeleng botlhe ya go etela dinaga tsotlhe mo lefatsheng ka tlhwatlhwa-tlase le ka kgotsofalo e kgolo;
- E go thusa go kopana le batho ba ditso tse di farologaneng kwantle ga go tswa ka legae la gago;
- E go thusa go kopana le batho ba ba ratang se o se ratang, gongwe le gongwe kwa ba leng gone;
- E dira gore o nne seoposengwe le batho mo lefatsheng lotlhe;
- E dira gore o nne le dikgatiso tse dintsi tsa ditso tse di farologaneng le mmino;
- E go thusa go tlhaloganya puo ya gago botoka le dipuo tse dingwe.